Revelation of John 5

Lokwalo lwa Kwana ya Modimo

1Mme ka bona lokwalo lo lo mennweng mo let sogong je legolo la yo o neng a ntse mo setilong sa bogosi, lokwalo lo kwadilwe mo teng le ka fa morago, e bile lo kaneletswe ka dikano di supa. 2Moengele yo o nonofileng a goa ka lentswe le legolo a botsa potso e, a re, “Ke mang yo o nonofileng go ka kanolola dikano tse di mo lokwalong lo, le go lo menolola?” 3Mme go ne go se ope mo legodimong lotlhe, kgotsa mo lefatsheng kgotsa mo baswing yo o neng a letleletswe go lo bula le go lo bala.

4Hong ka lela ka maswabi a magolo gonne go ne go se ope gope yo o neng a na le tshwanelo; go ne go sena ope yo o ka re bolelelang se lo se buang.

5Mme mongwe wa bagolwane ba ba masome a mabedi le bone a nthaya a re, “Lesa go lela, gonne bona! Tau ya lotso lwa Juda, Modi wa ga Dafide, o fentse, ebile o itshupile a nonofile go bula lokwalo le go kanolola dikano tsa lone tse supa!”

6Ka leba mme ka bona Kwana e eme foo fa pele ga bagolwane ba ba masome a mabedi le bone, fa pele ga setilo sa bogosi le fa pele ga ditshedi, mo go Kwana go ne go na le dintho tse di kileng tsa dira loso lwa gagwe. O ne a na le dinaka di supa le matlho a supa, tse di emetseng Mewa e supa ya Modimo e e rometsweng mo ntlheng tsotlhe tsa lefatshe. 7A sutelela kwa pele a tsaya lokwalo lo lo mennweng mo letsogong je legolo la yo o ntseng mo setilong sa bogosi. 8Mme ya re a tsaya lokwalo, bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba obama fa pele ga Kwana, mongwe le mongwe ka harepa le ka mabotlolo a gauta a tletse maswalo, dithapelo tsa batho ba Modimo!

9Ba ne ba mo opelela sefela se sesha ka mafoko a. “O nonofile go tsaya lokwalo o lo kanolola o bo o lo bula; gonne o ne wa tlhajwa, mme madi a gago a rekile batho mo morafeng mongwe le mongwe e le dimpho tsa Modimo. 10Mme o ba phuthetse mo bogosing mme wa ba dira baperesiti ba Modimo wa rona; ba tlaa busa lefatshe.”

11Hong mo ponatshegelong ya me ka utlwa moopelo wa didikadike tsa baengele ba dikaganyeditse setilo sa bogosi le ditshedi le bagolwane: 12Ba opelela kwa godimo ba re, “Kwana e nonofile, Kwana e e neng e tlhabilwe. E tshwanetswe ke go amogela nonofo, le mahumo le botlhale, le thata, le tlotlego, le kgalalelo, le tshegofatso.”

13Mme foo ka utlwa mongwe le mongwe mo legodimong le mo lefatshing, le mo baswing ka fa tlase ga lefatshe mo teng ga lewatle, ba goa ba re, “Tshegofatso le tlotlo le kgalalelo le nonofo ke tsa yo o ntseng mo setilong sa bogosi, le kwa go Kwana ka metlha le metlha.” 14Mme ditshedi tse nne tsa tswelela di ntse di re, “Amen!” Mme bagolwane ba ba masome a mabedi le bone ba wela fa fatshe ba mo obamela.
Copyright information for TsnLEF